Monnamogolo Legodimo

Monnamogolo Legodimo MONNAMOGOLO LEGODIMO - Sharing indigenous knowledge of plant medicine, traditional healing wisdom, and ancestral teachings for education purpose and awareness.
(1)

Go ruta ka kitso ya tlholego, botshelo le botlhale jwa bogologolo. 🌿

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟πŸ₯š LEKGAPE LA LEE LA NTSHE (OSTRICH EGG πŸ₯š SHELL )🌿 Lekgape la lee la ntŝhe le ne le tlotliwa thata ...
15/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

πŸ₯š LEKGAPE LA LEE LA NTSHE (OSTRICH EGG πŸ₯š SHELL )🌿

Lekgape la lee la ntŝhe le ne le tlotliwa thata ka ntlha ya maatla le boitshoko jwa ntshe. Ntŝhe ke nonyane e kgolo e e itsagaleng ka nonofo, boitshoko le bokgoni jwa go sireletsa mae a yone. Ka ntlha ya seno, bagologolo ba ne ba amanya lekgape la lee la ntŝhe le tshireletso, botshelo le pelegi.

Lekgape la lee la ntŝhe le thusa : πŸ‘‡

● Go nonotsha pelegi mo basading ba ba eletsang bana
● Go tshegetsa botsogo jwa popelo
● Go ntsha dikgaba mo baneng le mo bagolong
● Go thusa go lwantsha sejeso mo mekgweng ya bogologolo
● Go ntsha sefifi le tsotlhe tse di neng di tsewa di thibela lesedi mo botshelong
● Go bula ditsela tse di neng di tsewa di kwalegile mo botshelong
● Go kganela meleko le dikotsi tsa semoya
● Go tlhatswa mmele le popelo
● Go tlisa matlhogonolo le kagiso mo lapeng
● Go sireletsa bana ba bannye mo meweng e e sa siamang

Bagologolo ba ne ba dumela gore fela jaaka lekgape la lee le, le sireletsa botshelo jo bo golang mo teng ga lone, le motho le ka emela tshireletso, kgolo le tswelelopele. Ka jalo le ne le dirisiwa mo mekgweng e e amanang le pelegi, bana le kgolo ya lelapa.

Mo baneng ba ba nang le se se bidiwang dinakaladi kgotsa dikgaba, lekgape la lee la ntŝhe le ne le dirisiwa mo mekgweng ya setso e e neng e ikaelela go tlhapisa le go sireletsa ngwana. Go ne go dumelwa gore le thusa go ntsha dinakaladi, le tsotlhe tse di neng di tsewa di sa siama mo mmeleng wa ngwana le go mo tlisetsa kagiso.

Mo basading, lekgape la lee la ntŝhe le ne le amanngwa le : πŸ‘‡

● Tlhatswo ya popelo
● Go tshegetsa pelegi
● Go tlosa dikgoreletsi tsa semoya tse di neng di dumelwa go ama pelegi
● Go tshegetsa botsogo jwa mosadi

DIRA JAANA πŸ‘‡

● Batla lekgape la lee la ntŝhe, le sile le nne bupi o tlhape ka lone
● Batla lekgape la lee la ntŝhe, le sile le nne bupi o le kome
● Batla lekgape la leee la ntŝhe, le sile le nne bupi, o nwe ka metsi
● Batla lekgape la lee la ntŝhe, le sile le nne bup o gotlhe ngwana mo leganong


γ‚šviralγ‚·

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟 E re ke rute ka na ke bue ka BOLOKO JWA TLOU 🌿Mo kitso ya bogologolo, tlou e ne e tsewa e le sesu...
15/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

E re ke rute ka na ke bue ka BOLOKO JWA TLOU 🌿

Mo kitso ya bogologolo, tlou e ne e tsewa e le sesupo sa maatla, botlhale, seriti le boeteledipele. Ka ntlha ya tlotlo e e neng e e neilwe, boloko jwa yona le jone bo ne bo dirisiwa mo mekgweng e e farologaneng ya setso

Boloko Jwa Tlou bo thusa mo go tse di latelang : πŸ‘‡

🌿 Go thusa batho ba ba nang le mathata a sinus
🌿 Go thusa batho ba ba tshwenngwang ke tlhogo e e sa feleng
🌿 Go thusa mo mathateng a mokola
🌿 Go thusa basadi ba ba nang le mathata a popelo
🌿 Go imolola mathata a semoya
🌿 Go thusa go senola badimo le melaetsa ya bagologolwane
🌿 Go nonotsha seriti sa motho mo setőhabeng
🌿 Go thusa batho ba ba tshwenngwang ke sedidi
🌿 Go thusa go tlosa boima jwa semoya jo bo imetseng motho
🌿 Go thusa go bula tsela ya semoya le go nonotsha kamano ya motho le bagologolwane ba gagwe

Tlou e ne e tsewa e le phologolo e e nang le maatla a magolo, e e tsamayang ka boikanyo mme e sa boife dikgoreletsi. Ke ka moo dilo tsotlhe tse di amanang le yona di neng di tsewa ka tlotlo e kgolo.

πŸ—£οΈ Bagologolo ba ne ba re : πŸ‘‡

"Seriti sa tlou ga se bonale mo bogolong jwa yona fela, se bonala mo maatleng a moya wa yona."

Boloko jwa tlou gape bo ne bo dirisiwa go koba menang. Gape bone bo dirisiwa go bereka dikgosi le baeteledipele 🀞

DIRA JAANA πŸ‘‡

● Tsaya boloko jwa tlou, bo sile bo nne bupi, o be o tlhapa ka jone
● Tsaya boloko jwa tlou, bo sile bo nne bupi, o bedise ka metsi o nwe
● Tsaya boloko jwa tlou, bo fise o goge mosi wa teng
● Tsaya boloko jwa tlou, o bo fise o be o rothisetsa mokola mogodimo







γ‚šviralγ‚·
γ‚š

🌿 LESEDI A LE KGANYE 🌿E re ke rute ka na ke bue ka moriana wa setso o o bidiwang SEMONAMONE 🌿Semonamone ke nngwe ya meri...
15/06/2026

🌿 LESEDI A LE KGANYE 🌿

E re ke rute ka na ke bue ka moriana wa setso o o bidiwang SEMONAMONE 🌿

Semonamone ke nngwe ya meriana e e tlotlegang ka ntlha ya kamano ya yone le boboko, monagano le semoya

Bagologolo ba ne ba dumela gore moriana o, o thusa batho ba ba nang le mathata a go lebala, go tlhakatlhakana ga mogopolo le bolwetsi jo bo neng bo bidiwa gowa

Semonamone se ne se dirisiwa mo go tse di latelang : πŸ‘‡

🌿 Go thusa motho yo o tshwenngwang ke bolwetsi jwa gowa
🌿 Go nonotsha monagano le kgakologelo
🌿 Go fokotsa go lebala dilo
🌿 Go thusa motho go nna kelotlhoko
🌿 Go thusa motho go gopola ditoro le melaetsa ya semoya
🌿 Go lapolosa boboko jo bo lapileng
🌿 Go tshegetsa maatla a tlhaloganyo

Bagologolo ba ne ba dumela gore fa monagano o sa iketla kgotsa o tshwenngwa ke malwetsi, motho o ka simolola go lebala, go tlhakatlhakana kgotsa go se tlhole a akanya sentle. Ke ka moo Semonamone se neng se tsewa e le nngwe ya meriana e e thusang go nonotsha tlhaloganyo

πŸ—£οΈ Bagologolo ba ne ba re : πŸ‘‡

"Fa monagano o nonofile, mmele o latela tsela ya one."

GO NE GO DIRWA JAANA πŸ‘‡

● Go ne go tsewa matlhare a moriana o, a be a bedisiwa le metsi, go ka dira mogodungwana go ka nowa

● Medi le Matlhare, di ne di silwa mmogo, di be di bedisiwa ka metsi go dira mogodungwana go ka nowa

NB : Kopi e le nngwe kgotsa di le pedi ka letsatsi, di ne di lekane go ka nowa πŸ™






Lesedi 🌟 A le Kganye  🌟E re ke rute ka na ke bue ka  MANONG πŸ¦…Manong ga e se fela nonyane ya naga, mme a tsewa e le nonya...
15/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

E re ke rute ka na ke bue ka MANONG πŸ¦…

Manong ga e se fela nonyane ya naga, mme a tsewa e le nonyane e e nang le bokao jo bogolo mo mererong ya semoya.Bagologolo ba ne ba e tlotla ka ntlha ya bokgoni jwa yone jwa go bona dilo tsotlhe tse di diregang kgakala le go fofa kwa godimo

Ka ntlha ya seno, manong a ne a amanngwa le kitso, pono le go lemoga dilo tse di fitlhegileng mo matlhong a batho ba semoya

Bagologolo ba ne ba dumela gore manong a ne a dirisiwa mo mererong ya semoya go thusa ka tse di latelang : πŸ‘‡

πŸ¦… GO BULA DITORO

Go ne go dumelwa gore manong a thusa motho yo o sa loreng kgotsa yo o sa gakologelweng ditoro tsa gagwe. Ditoro di ne di tsewa e le tsela e semoya se buang ka yone le motho

πŸ¦… GO BULA MOYA

Mo mekgweng ya setso go ne go dumelwa gore motho a ka tswalelwa semoyeng, a se ka a lemoga melaetsa, ditaelo kgotsa ditshupo tse a tshwanetseng go di bona. Manong a ne a amanngwa le go thusa motho go nna kelotlhoko mo dilong tsa semoya.

πŸ¦… GO TLHABELA PEKE

Mo ditsong dingwe, go tlhabela peke go raya go bona kgotsa go lemoga dilo tse di tlang pele di diragala. Bagologolo ba ne ba dumela gore nonyane eno e amana le pono e e tseneletseng le go lemoga dilo pele ga nako, kgotsa go epolola meleko e e epetsweng

πŸ¦… GO SENOLELA MOTHO MELEKO E E FITLHEGILENG

Go ne go dumelwa gore manong a thusa motho go lemoga dikgoreletsi, mathata kgotsa meleko e e ka tswang e mo dikologile mme a sa e bone sentle.

Ka gonne manong a fofa kwa godimo thata mme a bona lefatshe ka bophara, bagologolo ba ne ba a tsaya jaaka sesupo sa pono e e kgakala, botlhale le go lemoga dilo tse di sa bonweng ke batho ba bangwe

Mo mekgweng ya bogologolo, go ne go dumelwa gore manong a ne a dirisiwa mmogo le meriana e e nang le kamano e kgolo le tsa semoya. Meriana eno e ne e akaretsa e e latelang πŸ‘‡

● Monnaokgang
● Mpiletsa Baeso
● Hlahla Badimo
● Sefaphabadimo
● Vuma
● Phakama
●Moetapele
● Tlhoka la Tsela
● Phakisane
● Madlosana
● Mbonisele
● Maboni

Bagologolo ba ne ba dumela gore fa meriana eno e kopantswe, e thusa motho go

● Go bula leitlho la semoya
● Go tlhaloganya ditoro
● Go lemoga melaetsa ya semoya
● Go bona ditshupo tse dingwe tse di fitlhegileng mo bathong ba bangwe
● Go bona meleko e e tabogang mo tlase ga lefatshe

Mo dithutong tsa setso, seno se ne se bidiwa go "tlhabela peke", e leng bokgoni jwa go lemoga kgotsa go bona dilo pele di diragala kgotsa go lemoga se se fitlhegileng mo tlase ga lefatshe. Go ne go dumelwa gape gore meriana eno e thusa motho go atamalana le kitso ya Bagologolo le go nonotsha tsela ya gagwe ya semoya

Bagologolo ba ne ba re : πŸ‘‡

πŸ—£οΈ "Leitlho la nama le bona se se fa pele ga lone, mme leitlho la semoya le bona se se kwa pele ga nako."

GO NWE GO DIRWA JAANA : πŸ‘‡

● Go tsewa medi ya meriana eo yotlhe, go be go tsewa Lenong, di be di silwa mmogo, go be go aramediwa, go tlhapiwa, le go phatsiwa dirwe dingwe tsa mmele, gore mothe a tle a bonele kgakala






Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟E re ke rute ka na ke bue ka moriana wa setso o o bidiwang SELEJANE 🌿Mo kitsong ya bogologolo, Sel...
15/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

E re ke rute ka na ke bue ka moriana wa setso o o bidiwang SELEJANE 🌿

Mo kitsong ya bogologolo, Selejane ke nngwe ya meriana e e neng e tlotliwa thata ke Bagologolo. O ne o tsewa e le moriana wa go nonotsha mmele, go o sireletsa le go thusa motho go tshela botshelo jo bo nang le kagiso.

Selejane se na le bokgoni jwa go : πŸ‘‡

🌿 Go tlhatswa madi
🌿 Go ntsha ditshila mo mmeleng
🌿 Go nonotsha mmele le maatla a motho
🌿 Go tsosolosa maikutlo a thobalano
🌿 Go thusa motho yo o ikutlwang a fokotsegetse maatla
🌿 Go thusa mmele go lwantsha sejeso
🌿 Go busetsa mmele mo maatleng a tlholego

Selejane se ne se sa dirisiwe fela mo mmeleng, mme gape se ne se dirisiwa mo mererong ya tshireletso.

Bagologolo ba ne ba dumela gore Selejane se thusa : πŸ‘‡

πŸ›‘οΈ Go thiba boloi le bolotsana
πŸ›‘οΈ Go leleka maatla a a sa siamang
πŸ›‘οΈ Go sireletsa lelapa kgatlhanong le mewa e e sa siamang
πŸ›‘οΈ Go aga tΕ‘hireletso ya semoya mo mothong.l
πŸ›‘οΈ Go dira gore motho a tsamaye ka kagiso le boitshepo

Go ne go dumelwa gore motho yo o dirisang Selejane ka mokgwa o o siameng o ne a sireletsegile mo matlhong a baba le mo maikaelelong a a sa siamang a batho ba bangwe ba ba mo setseng morago mo botshelong

Bagologolo ba ne ba re : πŸ‘‡

πŸ—£οΈ "Mmele o tshwanetse go sirelediwa, mme semoya le sone se tshwanetse go sirelediwa." 🀞

Ke ka moo Selejane se neng se tsewa e le nngwe ya meriana e e botlhokwa mo tirisong ya setso, e dirisiwa go tshegetsa botsogo, maatla le tshireletso ya motho.







γ‚šviralγ‚·

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟 E re ke rute ka na ke bue ka  moriana wa setso o o bidiwang MOETAPELE🌿Moetapele ke nngwe ya meria...
15/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

E re ke rute ka na ke bue ka moriana wa setso o o bidiwang MOETAPELE🌿

Moetapele ke nngwe ya meriana e e tlotlegang thata.Bagologolo ba ne ba o bitsa moriana wa go etelela pele, go goga seriti le go bula ditsela tsa katlego mo botshelong 🀞

Leina la ona fela le a bua, "Moetapele" ke yo o etelelang ba bangwe pele. Ka jalo moriana ono o ne o dirisiwa ke batho ba ba neng ba batla go nna kwa pele mo matshelong a bona, mo kgwebong, mo tirong kgotsa mo maikarabelong a botshelo

Moetapele o thusa motho go : πŸ‘‡

🌿 Go bula ditsela tsa katlego
🌿 Go goga lesego la madi
🌿 Go goga lesego la mmereko
🌿 Go dira gore motho a bonwe ke batho ba ba ka mo thusang
🌿 Go goga seriti le tlotlo mo bathong
🌿 Go nonotsha boitshepo le boikanyo mo mothong
🌿 Go thusa motho go etelela ba bangwe pele
🌿 Go bula dikgoro tsotlhe tse di neng di tswaletswe motho

Mo metlheng ya pele, go ne go dumelwa gore motho yo o nang le Moetapele o ne a seke a nna kwa morago. Ditsela tsa gagwe di ne di bulega, batho ba mo amogela, mme ditΕ‘hono di ne di simolola go mo latela

Bagologolo ba ne ba re : πŸ‘‡

πŸ—£ "Fa Moetapele a go etelela pele, tsela e a e fitlhelang ga e tswalege."

Ke ka moo moriana o, o ne o tsewa e le nngwe ya meriana e e botlhokwa mo bathong ba ba neng ba batla tswelelopele, katlego le lesego mo botshelong

Gompieno jaana, batho ba le ba ntsi ba tsweletse ka go dirisa moriana o, ebile moriana o, setse o fetotse matshelo a le mantsi 🀞






γ‚šviralγ‚·

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟 ● AO KILE WAA LEBALA TORO E E BOTLHOKWA?GO LEBALA DITORO 🌿1. GO LEBALA DITORO KE ENG?● Ke go lora...
15/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

● AO KILE WAA LEBALA TORO E E BOTLHOKWA?

GO LEBALA DITORO 🌿

1. GO LEBALA DITORO KE ENG?

● Ke go lora, fa o tsoga o be o lebetse. Ga ntsi o lebala ditoro tse di botlhokwa

2. KE ENG SE SE DIRANG GORE MOTHO A LEBALE DITORO?

● Go nna le leleta le le ntsi mo mmeleng
● Go tlhoka go rapela
● Go tlhoka go phatlha
● Go dula fela o robalana, o sa ikilele
● Go nna le sefifi
● Go nna le thokolosi
● Go jaa dijo tse di tletseng mafura nako le nako
● Go jaa dijo tse di tletseng Chillies kgotsa Spice nako le nako
● Go robalana le batho ba ba ntsi
● Go sa robale ka nako
● Fa o loilwe, Fa o bofilwe
● Go kopakopanya badimo

3. GO KA DIRWA ENG GORE MOTHO A SEKE A LEBALA DITORO?

● Go phalatsa
● Go peita
● Go aramela
● Go tlhapa, o phepafatse mmele
● Go robala ka nako
● Go rapela ka tsela e e maleba
● Go phatlha ka tsela e e maleba

4. DIRA JAANA GO PHALATSA

● Tsaya Mositsane o phalatse ka one go ntsha leleta mo mmeleng wa gago

5. DIRA JAANA GO PEITA

● Tsaya Mositsane o peite ka one, go tlhatswa sefifi le go ntsha leleta

6. DIRA JAANA GO ARAMELA

● Tsaya 》 Mpiletsa Baeso
》Vula Ku Valiwe
》 Hlahla Badimo
》 Sefapabadia/Sefaphabadimo

● O be o aramela ka tsone

NB : GO LEBALA DITORO HA GWA SIAMA, GONNE TORO E KGONAA GO TSHEGETSA BOTSHELO


γ‚šviralγ‚·

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟LELOMO LE, LE A THUSA 🀞Fa o ratiwa ke go tswa diso mo sesading tse di tshwanang le lelomo le, Batl...
15/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

LELOMO LE, LE A THUSA 🀞

Fa o ratiwa ke go tswa diso mo sesading tse di tshwanang le lelomo le, Batla Lelomo le, o be o batla Thola, di fise o dire mogato, o be o ralala diso tseo ka mogato owa πŸ™

Sila lelomo le, o tlhape seso seo ka lone πŸ™



14/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

GOOD NIGHT 😴

Fa o dumela mo thapelong, Rapela πŸ™
Fa o dumela mo go phatlheng, Phatlha πŸ‘£

NB : Re lwana ntwa tsa semoya, tse re sa di itseng 🀞

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟 MONNAOKGANG ( VUKA KU BAFILEYO ) 🌿A lo setse lo re moriana o, hae se Vuka Ku Bafileyo?Maloba ke n...
14/06/2026

Lesedi 🌟 A le Kganye 🌟

MONNAOKGANG ( VUKA KU BAFILEYO ) 🌿

A lo setse lo re moriana o, hae se Vuka Ku Bafileyo?

Maloba ke ne ke postile moriana o, ke utlwile bontsi ba lona le ganetsana le leina la moriana o 🀞


Address

Huhudi Location
Vryburg

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Monnamogolo Legodimo posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Share